BreakFree
Contact information, map and directions, contact form, opening hours, services, ratings, photos, videos and announcements from BreakFree, Nonprofit Organization, Gaborone.
31/05/2026
Setshwantsho se se nkgopotsa dilo tse di utlwisang botlhoko. Se nkgopotsa nnete e e teng mo botshelong.
Ntwa ke sengwe sa ditiragalo tse di diregang kgapetsakgapetsa mo kgolegelong. Mme dintwa tse, bontsi jwa nako go dirisiwa dibetsa di tshwana le mechanyelo , dithoko le di garia tsa dithipana , dinxola. Go dirisiwa le nako mo ntweng tse fa o shakoba mmaba wa gago, o tlhopha nako e o ka mo ratelang ka yone wa mo tsidifatsa ka sengwe se se bogale kgotsa se se bokete .
Dingwe tsa dinako tseo ke fa mmaba a santse a Ile ntlwaneng ya boitiketso. Fa a santse a re o araba pitso ya tlholego, a utlwe ka modumo wa setswalo se ragiwa ka mashetla se feta fa pele ga gagwe ka lebelo. Fa a tsosa matlho a santse a kgaotswe pelo ke modumo wa lebati, a kopane le mochanyelo o fofa mo phefong o wela fa gare ga phogwana ya gagwe. Fa o sa go itaya gore o nyere, wa go digiwa ke marokgwe a a ko malenganeng a itshasa boloko jwa setho a leka go lebotsa phokojwe , a lebetse le gore ga a ise a golotse marokgwe le go itshotlha .
Nako nngwe ba go letela o tsena mo ntlung ya matlhapelo, a go fe nako o apole o tsene mo metsing o tlhape. Fela jaaka o itshasa sesepa mo tlhogong, o tlaa utlwa fela ka batho ba kua ba sia...fa a sa go tlhabe ka thipa a go pege one mochanyelo mo tlhogong. Fa o sa nyera wa go lemoga gore ga o a apara o le ko dikantorong o dutla madi.
Fa gongwe fa le nna mmogo mo celeng, o go tlogela fela le tlhotse le tlhokile kutleisisano. E re fela jaaka dipone tsa cell di tloga di timiwa, o bo o bona a mena mapai a gagwe a a alolola. Go alolola mapai go robalwa ke go supa gore go na le ntwa bosigo joo. Mme kana jaaka o bona a mena dikobo jaana, ke gore o batlile le digaria . Monna o tlaa kokorala foo o ipotsa gore a le wena ke o seka wa robala, wa tshokana o tlhabilwe ke legodu o thulametse.
Kgotsa o letela nako ya dijo. Fa go fodilwe mola wa dijo a netefatse gore o bone fa o teng mo moleng oo. Fela fa a sena go tsaya ntichi o tletse motogo o kgabakgaba ka ba o tshola o bela. A menolole ntichi eo mo sefatlhegong sa gago. Le fa gotwe wena o bodipa, eseng mo motogong o bela. Wa go thula Batho gotlhe le ditirata tse di mitlwa tlhogo e eme go dira metsotswana. Botlhoko jwa molelo bo noelela.
Ga o ipotse gore ke eng batho ba ba tswang kwa ba tshabelelwa ke bogale le bogoma? Mme legale eseng botlhe.
Se nne mongwe wa dipalo tse!
30/05/2026
Mmega dikgang tsa borukutlhi le dikgolegelo Mme Rachel Sebinyana le modira melato le motshwarwa wa pele Rre Seabe Sulayman Ramoruswana.
Thamaga Women Conference Day themed 'focusing on the forgotten ones' .
29/05/2026
Pudi ya tsela e supa gore kgang ya dip**a tse di masome a matlhano , lekgotla le e utlwile mo iphemelong ya motshwarwa ko ga Mochudi. Mme lekgotla le wetse ka gore iphemelo eo ke kakanyo ya morago, ditsiabadimo. Go utlwala gore iphemelo e e tsile ko morago jaanong motshwarwa a sena go tshwarwa ke ditlhatlhobo tsa DNA. Semenogane seo se pateleditswe ke maduo a ditlhatlhobo tseo go ya ka lekgotla.
Go ya ka bosupi jwa botlhotlhomisi, iphemelo ya mmelaelwa ko tshimologong e ne e le gore, ene bosigo jo bo bolelwang joo, ga a s**e a tlhakanele dikobo gotlhelele le mongongoregi. Ditlhotlhomiso di wetse sepodise se utlwile polelo ya motshwarwa gore are nnyaa o bopelwa fela kgomo ya mmopa ke mongongoregi.
Bosupi jo b**gwe jo lekgotla le bo utlwileng ke gore motshwarwa o ne a ikgatholosa ' ga ke batle' ga mmogo le go 'kgaramediwa ' ke mongongoregi fa a simolola , le fa a tsweletse a pechetsa terekere mo letsatsing jalo . Go a bonala bosupi jo bo netefatsang petelelo jo, motshwarwa o paletswe ke go bo ganetsa.
Nnyaa tswelelang le koleke fela betsho ga ke lo itse go dira jalo. Bobelo ntle le mowa wa go thuso o siame. Fela re seka ra iphitlhela re dirisa madi a rona a re segofaditsweng ke Modimo ka one go rotloetsa tlolo molao le borukutlhi. Fa e le gore gongwe ke kgang ya go tlhoka tshepho le tumelo mo makgotleng a rona, a re tleng ka tsela e e kà dirang makgotla a rona botoka gore tekatekano le tshiamo e nne bokao jwa makgotla a rona. Esere gongwe kamoso dirukutlhi tsa tlola molao mme ba sianele go ipaya botoka mo maranyaneng, ra tloga ra tshabisa batswa setlhabelo go ikuela, ba boifa go tloga ba bitswa maina a diphologolo.
Fela, ke letetse gore ke tle ke bogele bokgoni jwa ga setatalala Rre Jonase... a mantswitswidi yo wa molao yo, o tlaa kgona go supa gore nnyaa iphemelo ya motshwarwa ga se kakanyo ya morago. A bokgoni jwa gagwe bo tlaa pateletsa lekgotla go fetola tshwetso e ya lekgotla le le botlana. Kgotsa koleke ya batswana e olelwa fela ka motlhobodika go ntse go libilwe.Fa go ka nna jalo, a fetola tshwetso ya lekgotla gore nnyaa iphemelo ya motshwarwa ga se kakanyo ya morago.Ke ka mo rolela tlhoro Rre Jonase.
Go ntsha motho mo kgolegelong go letela tsheko ko ntle ke tshwanelo ya ope fela yoo libisiwang molato, jalo setatalala ga sena mmereko yo o kalo go golola motho go letela tsheko a se mo kgolegelong. Bogolo jang fa ditlhotlhomiso di wetse, mmelaelwa e se motswakwa kgotsa a se borai mo basuping kgotsa bosupi. Nnyaa o gololwa phakela ebile bogolo jang a emetswe.
Mmueledi ene o tshwanelwa ke go rolelwa tlhoro fela fa a na le bokgoni jwa go fenya ko tshekong kgotsa ko boikuelong ....
28/05/2026
Mo tshekong ya molato wa pelaelo kgotsa ipelaetso ya go tseelwa dikobo ka dikgoka...go pechetsa terekere mo letsatsing , kgotsa go ràlala toropo ka tonki jaaka basimane ko lapeng le le ba bitsa molato yo. Lekgotla le na le tiro ya go rurifatsa dintlha di le tharo.
Gore a mme go nnete go nnile le tlhakanelo dikobo. Lekgotla le dira jalo ka go reetsa mosupi e b**g ngaka ya kokelo e mongongoregi a thusitseng teng morago ga tiragalo eo. Fa a s**e a bonwe ke ngaka ope, ga gona molato wa petelelo fa pele ga lekgotla. Fa ngaka a mmone mme a sa rurifatse tlhakanelo dikobo. Ga gona
kgetsi.
Ntlha ya bobedi ke gore a mme tlhakanelo dikobo eo, a e ne e dumalanwe ke bobedi joo, kgotsa yo mongwe o dirisitswe a sa batle. Ntlha e, ga e supe gore molato wa petelelo ke fela fa o dirisitse dikgoka. Yare go nne le tumalano magareng ga bobedi joo. Ntlha e e ka netefadiwang ke ba gongwe ba boneng mmelaelwa a goga goga mongongoregi. Kgotsa ba ba utlwileng mongongoregi a kua kgotsa a lela . Ngaka le yone e ka netefatsa polelo e, fa mongongoregi a nnile le dikgobalo ka nako ya tiragalo. Mme ke tlhalose gore le kontle ga basupi ba, le kontle ga go kua le go lela, lekgotla le ka dirisa fela polelo ya mongongoregi ga mmogo le ya ngaka go go bona molato wa petelelo.
Ntlha ya boraro ke gore a mme modiri wa tiro eo ke ene yo a emeng fa pele ga lekgotla, mmelaelwa. Seo se ka netefadiwa ke maduo a ditlhatlhobo tsa ba b**gaka ga mmogo le polelo ya mongongoregi. Basupi le bone ba ka tiisa polelo ya mongongoregi fa gongwe ba bone mmelaelwa a goga goga kgotsa a na le mongongoregi. Le fa bone e se gantsi o ka fitlhela ba bone tiragalo ka bo yone ka gore ke tiro tsa sephiri.
Mo kgetsing ya Rre yo o mo setshwantshong se, go lebega lekgotla le kgotsofetse gore tlhakanelo dikobo e nnile teng ka nako e e buiwang. Ke dumela gore lekgotla ga le a nna le tiro e ntsi go kgotsofala ka jaana le mmelaelwa a ne a sa ganetse gore o tlhakanetse dikobo le mongongoregi ka tsatsi le le buiwang. Go lebega gape lekgotla le kgotsofetse gore mmelaelwa ke ene a tlhakanetseng dikobo le mongongoregi. Seo le sone e ne e se tiro e ntsi mo lekgotleng ka jaana mmelaelwa a setse a dumetse gore ee go nnete o robetse le mongongoregi.
A mme tumalano e ne e le teng?
Seo ke sone re sa se itseng. Lekgotla le ba ba utlwileng bosupi jwa mongongoregi le iphemelo ya mmelaelwa ke bone fela ba ka re thusang go itse gore a mme go ya bosupi Jo bo duleng, a naa go nnile le tumalano.
Ga kere mang o phepa mang o molato betsho, e sere gongwe wa nkutlwa ka tsa ga morakile . Ebile ga ke mmueledi betsho...ke motswana fela yo o nathoganang le bagaabo itemogelo ya loeto la botshelo.
27/05/2026
#3
Fa ke fetsa go baya ntichi yame foo ya motena ntßa le khabeche e e elelang kgodu e thokwa le go dumedisa borre ba ba difatlhego di tlhoafetseng ba, jaanong potso ya nna gore tota jaanong ke tlaa gata eng?
Bo mogoma bone ba kokoretse mo diemereng tse dintsho tse o ka itshemang ware gongwe di dirilwe ka thaere ya koloi. Mme fa o ela tlhoko sentle o tlaa lemoga gore ga se thaere , go polaseteke. Le fa ke shebasheba gore ana ke tlaa gata eng nna, borre ba ga gona yo o nkgwang kgaba bogolo . Kgabagare homeboy a bowa ko ntlung ya boapeelo a kumakumile ntichi tse pedi tse go lebegang di pepetlolotswe ka bomo gore di nne ditona. Ba di bitsa di 4 by 4 tsone dintichi tse.
Nako e yotlhe fa re santse re letetse homeboy jaana, go ne go sena ope wa rona yo o jang le fa makgotlana a mangwe one ba ne ba setse ba simolotse go sutlha dintichi. E rile fa jaanong go khurumololwa 4 by 4 tsele le tse dingwe tse nne ntse di khurumetswe, ka kgantlhantshiwa ke go phatsima ga mafura. Fa ke leba khabeche e ke e phakileng, le e e mo 4 by 4, ka lemoga pharolonyo e kgolo. 4 by 4 e nngwe yone e oletse dinawa , le tsone Rra di tswetswena mafura. Go a lebega se ke sone se baapei ba kgolegelo ba ka se dirañg go dira dijo tse difaphegileng. Go tlopela mafura . Ba re e a bo e le 'tsina'.
Mosimane a pitikolola motena ntßa mo ntiching e nngwe, fa a ntsha phaleche ele, ko tlase ka lemoga gore go khurumeditswe nama. Nama fela e e ka kgaoganngwang batho ba le masome. Mme letsatsi Leno go lebega go sa jewe nama, kgotsa ke re e sa apeiwa.
Ga lela leino, go renne setu. Yone ntichi e e fitlhileng nama ko tlase e, gatwe ke yone berethe ya tsotsi. E ntshiwa fela fa pele ga modisa magolegwa ene a re gongwe ke phaleche fela, kante phaleche ke legogo fela fa godimo, 4 by 4 e tletse nama ya magolegwa. Mme nama e, e ya go jewa ke palonyana e e seng ya sepe.
Di berethe tse tsa bo tsotsi tse, di rekwa ka melora, metsokwe le matanyola. Bontsi jwa baapei ba kgolegelo ga ba tlholwe sentle ke masika le ditsala go ba lerele melora. Ga mmogo le bontsi jwa ba ba dirisiwang botlhaswa mo go tsa matanyola, ga ba na baeng. Motho o kiba dingwaga tse di lesome o ka se utlwe ka tsatsi lepe gotwe o na le moeng.
E rile maitseboa di sena go pasa nako ya boraro tshipi ele ya lela gape. Mola ole wa boela gape. Jaanong gone go jewa motogo wa phaleche, selae sa borotho se le esi le thothinyana ya mashi. Ko lekgotleng le le lame, ke fa bone namane tse ditona go nowa tee e e bothitho e bile e tlopetswe lebese . Borotho jone fa pele ga rona, e le dilofo, e seng dilae jaaka ba bangwe. Khabeche ya kgantele e sala , jaanong go inwa borotho jo mo go yone, mo tsineng e ya mafura.
Moragonyana, ka bofefonyana ebile ba bangwe ba ise ba fetse go ja, tshipi e le ya lela gape gape. Jaanong mela ya nna fa pele ga dicell. Mela e e ne e sa tshwane le ya ko dijong. Yone go kotangwa sebedi bedi go libilwe ko kgorong ya cell. Nna ka laelwa go ya go nna fa tafoleng e le ya cemente go fitlhela go fediwa go tswalwa ke gone ke tlaa fiwang cell. Mo pelong kare ohh, go raya gore ke gone ba tlaa mphang dikobo ba bo ba mpontsha gore ke ala fa kae. E rile ba sena go dikologa dicell tsotlhe ba tswala. Modumo yo o saleng o sera ke goroga fa wa fokotsega ka bonakwana, lefelo le lo neng lo tletse batho la fetoga go nna bodutu. Ya ba ya nna o kare ga go boidiidi jwa batho fa.
Ka belediwa ko cell 2. Ga ke ise ke fiwe nako ya go botsa ka dikobo. Lebati la kitimetsa ko morago game. Modumo wa lone wa nkgakolola gore , 'ke jaaka kgololesego ya gago e ile'. Ka nako eo moteng ga cell borre ba, ba ne ba setse ba apotse ko godimo botlhe, ba ka nna masome a matlhano kgotsa go feta mo ntlung lefalafala e. Go ne go setse go le mogote mo ntlung e. Bangwe ba ntsh*tse dibaselapa go itshutlha mofufutso wa mogote o. Ke ne ke sa itse gore ke ka dira eng. A ke ka nna fa fatshe gone fa lebating fa, kgotsa ke ka ema fela ka dinao gone fa. Kgotsa ke tsamaye tsamaye go iketsha ditlhong le letshogo .
Mongwe a tswa kwa mokonong wa ntlo kwa, moeka a itekanetse Rra ebile a gata lefatshe ka makgakga. A tla a tlhamaleletse tota ko go nna, a ntshutisa ka lebogo mme a raga lebati le la tshipi go ka nna ga raro. A raga lebati le jaana ka mpa ya lenao a furaletse lebati le. Ka bofefo ga re 'tuuu' ... pelo yame jaanong ya nna o kare go reeditswe yone, e kitimetsa ruri. Matshwane o le wa kwenkwetla ya motho a re , 'rena le moeng borra, o tla ipolela leina le gore o tswa kae o jeleng '. Mo pelong kare ga e kake . Mogoma kare gongwe ke jaaka ba batla go nnyatsa. Owaiii kante ke tsamaiso ya lelwapa le.
Dipone di timilwe moragonyana fela ga dikgang tsa boferab**gwe. Jaanong ka ke ne ke nnile bodipanyana. Ba ntima dikobo. Pele fela ga dipone di timiwa mongwe wa leina la Smith a mpiletsa fa go ene. A mpotsa dipotso gore ke mang jalo jalo. A nkitsise fa ene a nna ko Zola. Owaiii, a bo ke bone mmata . Ke ene a neng a mpolelela gore go ipolela ke tsamaiso. Mme a itumeletse gore ke bodipanyana. Ke ene a mphileng boroko bosigo joo.
Mme ga ke ise ke bo bone jwa dintshi. Lantlha go ne go gana fela gore ke thulamele. Kgantele fa bo tloga bo tla jaanong. Ke a bona ka nako ya b**gwe makuku. Ka bona mongwe a emelela ka bonya mo dikob**g tsa gagwe, a ya go kotama fa go tsa yo mongwe. Morago ba emelela botlhe, mme ba nanabela. Ka simolola jaanong go tlelwa ke letshogo le legolo mo lefifing. Ba bo ba ya go nyelelela fa dikob**g tsa bangwe ko kgorong kwa. Kgantele wa ntlha a boela dikob**g tsa gagwe... kgabagare o mongwe le ene a boa, mme le fa ba boa jaana, ba ntse ba nanabela fela. Ga emelela yo mongwe o sele, le ene a ya ko bale ba tswang teng.
Mme ka bofefonyana ka tloga ka utlwa 'heela tlhe mna o dirang ne monna...' , Modumo wa tsoga, magolegwa le bone ba tsoga.
Letsatsi lame lantlha, tiragalo e ya nthuta gore mo toronkong ga go robalwe...esere gongwe wa iphitlhela o le majomajo dirope tse o tsoga.
........... .......................................
Tlogela ngwanyana yoo a tsamaye skwata...ee o a mo rata, mme se morate go feta wena....go iphitlhela o le mo seemong se ☝️,..kgotsa ebile gongwe o santse o letetswe ke kgole ko flateng ga se go ithata. Ebile ga go supe fa le mogaka WA lorato.
26/05/2026
Halala bomme halala
Halala basadi halala...
Go nnete betsho, botshelo jwa ngwana wa mosimane le jone bo botlhokwa. A re kgathaleng ka bana ba basimane.
Go utlwa go feta fa, nna teng ko kgotleng kgolo ya motse wa Thamaga ko setho se teng ka May 30.
25/05/2026
Fa molato o diragetse, (mo molaong) go na le nako ya ditlhotlhomiso , le nako ya tsheko. Ditlhotlhomiso di dirwa ke ba sepodise pele ga tsheko e ka simolola. Fa pele ga lekgotla fa tsheko e setse e simolotse, ditlhotlhomiso jaanong di a bo di feletse, di tswaletswe. Bosupi bope fela jo bo tswang tsheko e larile, ga bona bokgoni jwa go emisa lekgotla kgotsa tsheko gore bo tlhotlhomisiwe pele. Se jaanong se fetoga go nna bofafalele jwa ba botlhotlhomisi. E nna tshiamelo ya mosekisiwa kgotsa ba bosekise, go tswa fela gore itlhokomoloso eo e bakilwe ke ofe mo bobeding joo. Fa e bakilwe ke mmelaelwa mme a e buwe tsheko e tsweletse, e tsewa jaaka kakanyo ya morago. Mme fa e bakilwe ke bosekise, e tsewa jaaka bofafalele mo mmerekong.
Fa e le gore Nono Karema nako kgotsa molao o letla lekgotla gore a botsulosiwe ka mafoko kgotsa polelo ya ga Lovemore. Kgetsi etlaa tshwanelwa ke go tshololwa pele fa pele ga lekgotla. Mme mmelaelwa a fiwe kgololesego ya gagwe go fitlhela kgetsi e bulwa sesha. Seo se tlaabo se raya gore Rre Sithole jaaka motswakwa, o busediwa Zimbabwe pele go ya ka melao ya Botswana ya Immigration. Gore e tlaare motlhang kgetsi e bulwa sesha gape, a boele kwano Botswana. Mme ga se gantsi go ka direga jalo, bogolo jang mo molatong wa pelaelo ya polao ya motho mmelaelwa e le motswakwa.
Le fa gontse jalo mo molaong....sechaba se santse se ka inona pelo ka mathe mo kgetsing e ya ga Tlotso Karema. Polelo ya ga Sithole e ncha e, le fa gongwe e ka tswa e emiwa nokeng ke ba b**gaka ka go lebega mmelaelwa a ntse a botabota koo gore o kitikilwe, fela polelo e e tsile morago, ke kakanyo ya morago , mme ebile e a belaetsa godimo gamoo. Bogolo jang fa a supang gore "ee" go nnete ke ene ka sebele a rometseng molaetsa ka mogala gore masalela a ngwana a kae, mme a leka go supa gore o ne a patelediwa ke Nono. Ee go nnete mapodise ba ka mo pateletsa go ikgolega, ebile e tlaabo e se ene wantlha. Mme ga go dumelesege gore le Mme Nono o na le bokgoni jo mapodise ba nang najo ja go ka pateletsa motho wa Rre go ipega molato wa boketo jo bo kalo motlhofo fela jaaka Sithole a batla lekgotla le dumela. Ke fa nne bogolo gongwe a supa gore Mme Nono o ne a mo kentile ka sengwe, kgotsa a se mo nositse sone sengwe seo se se dirang motho seeleele jalo.
Fa e le sengwe, lekgotla le ka lemoga gore Nono le ene o a amega mo kgetsing e. Mme o nnile lesego go tlhoka go ema fa pele ga lekgotla go arabela molato o wa polao. Mme seo ga se fokotse katlholo ka gope mo go Sithole fa a ka bonwa molato. Go falola ga ga Nono le ba bangwe ga go dire Sithole phepa ka tsela epe fela fa e le gore o molato.
Wetsho! Gakologelwa gore tsheko ya polao ya ga Tlotso Karema le fa e simolotse semmuso,yone ka sebele ga e ise e simolole. Se se santseng se diragala ke go kanoka pele ipelaetso ya mmelaelwa ya gore o pateleditswe go ipega molato pele e ka simolola. Fa lekgotla le ka dumalana le mmelaelwa, tsheko e tlaa sekwa jaanong ipegomolato eo e seo . Mme fa lekgotla le ka mo ganetsa. O tlaa seka ka fa tlase ga ipegomolato eo .
Hahaha, wa tshega Rre Fanyana😊 o libile Lovemore, ene o busy are o ntsha reasons😔🙆. Wetsho! Bodiba bo jeleng wa g*eno o bo dikologe😊🙏 don't find yourself seating on that chair Sithole is sitting on. Rather be Fanyana, have a smile. Or be the lawyer guy, listen...be someone's last hope before Almighty.
Think before action. E sere gongwe wa nna le kakanyo ya morago!
23/05/2026
Ke kgabodisitse dikakgelo tsa bangwe ba rotloetsa gore ke leke bogakolodi bogolo yang mo dikolong. Ke a leboga betsho. Mme tla ke supe gore ke sale ke simolotse.
Ditshwantsho tse di supa bontlha b**gwe jwa loeto lame la go gasa molaetsa yo. Ke etela dikolo ka taletso ya tsone, dikgotla le dithulaganyo tse di tshwarwang fale le fale. .
Mme letsatsi le letsatsi, ke dirisa kgwele ya dinao go phutha thaka e kgweba e. Fa ba le fa, ke ba rute kgwele ya dinao le botshelo ka kakaretso. Ke mokatisi yo o lemogiwang ke lekgotla la Botswana la kgwele ya dinao, jalo ke ruta bana se se maleba. Ke tshedile botshelo jo bo makgwakgwa, ka fetola botshelo le tsela ya go akanya, jalo fa ke bua le bana ba, ke ba ruta....ga ke ba reye kere "gatwe".
Sebe sa phiri fela ke itsholelo e e makgwakgwa. Mme se Modimo a se re nayang se a re tataisa betsho. Kemo nokeng e teng from the community le batsadi ba bana . Seo ka bosone se fetola selebego sotlhe.
Maungo a se ke se dirang ke dumela gore a mo pepeneneng. Ngwana wa mosimane fa a fitile fa, o sisela botshelo. A itse bogolo jwa Modimo le maduo a borukutlhi.
21/05/2026
Santlha fela ke gore fa o goroga mo kgolegelong, o fitlhela batho koo , ba bangwe ba bone ba setse ba kibile sephatlo sa dingwaga tse ba di tshidileng, mme ba santse ba kiba kgolegelo fela. Bangwe e le ba ba tswang ba tsena. Motho fa a gololwa gompieno kamoso o buile. Jarata eo , ba e itse go gaisa jaaka ba itse metse ya bone ko g*e.
Ebile ke gopola Rre Ntake go tswa ntlheng tsa Kasane kwa godimo kwa.... Story le half ya sone Rre yoo. Mogoma ne ba mo gololwa go le Matlhatso. A sena go kiba dijara di le thataro le dikgwedi di ferabobedi (lekwelea-twalaza-6.8- bluebaki straf) , basimane ba re ke 6.8 kgotsa lekwelea. Ntake fela jaaka a gololwa a bo a tlola molapo a ya botlhaba, Tlokweng. Ke a bona e rile fa a tloga a fetsa ka e ne e le motho wa dizwapo tsa kontle,majuta ba mo rata...ba nna ba mo latlhelela sengwenyana ba mmeela gore e re letsatsi le a gololwang, a new metsi mo tseleng. A goletse fa godimo , a le diatla ditelele jaana. Senatla sa Monna ruri. A itlhokela fela tlhaloganyo .
Tota le Rona moteng, fela jaaka majuta, re ne re iponela iyethe fela mo go Ntake . A lebega a ka se tlhole a gata ka lenao mo jarateng e gape mo botshelong jwa gagwe.
Fa a fologa ko dipotong tsa Tlokweng nako tsa maitseboa , ke fa jaanong a sa bolo go lekanya. A Khanna dipotsane. A kgoretse kontle ga letlalo.
Kante mogoma fa a ntse a a ja mmedi jaana (a pantita), o kgatlhegela kgarebe nngwe ya lejuta ya mokgalagadi a tsamaya a setswe ke marago morago jaana.
Fa a ntse a tsile go tlhagola tlhaga ka dizwapo jaana, o libile jarata ya kgarebe e, o libile fa a tlaa tsenang teng letsatsi le a tlaab**g a tsile go itse Mme yo kontle ga tetla ya gagwe. Owaiii! E rile mosupologo o ne o o latelang , ke fa a boela moteng Ntake. Ke raya le fa e le bogolo tlhe go palama khombi kontle, nnyaa wetsho!
Ija! kana kgang tota ga se Ntake, kgang ke gore le bo Ntake ba eseng bo iyethe ka puo le ditebego wa ba fitlhela gone koo fa o tsena.
Gape information e teng gone kwa. Kgetsi e tshwana le ya ga Lovemore Sithole ba sale ba e itsile a ise a goroge. Ba sale ba bone fa go phoso teng, fa go kotsi teng. Fa rona kontle re ne re eletsa gore o kare Sithole o ka kalediwa. Bone ba ne ba eletsa go mmona ba mo reye bare , "Monna why confession! Golo fa go ne go sena case kana ...mme legal e itatole". Bane bangwe ba eletsa go itlhola bokgoni jwa kitso ya semolao ka go nna mogakolodi wa ga Sithole. Go seka kgang e.
Ba setse ba itse bone, gore yone case e , e tshwana le efe e e kileng ya direga e e mo law report. E direga leng, kae, gorileng. Le gore mmelaelwa o ne a dira jang gore a gololwe. Ba fa dikgakololo tse jaana , ba ikaegile ka molao ebile ba quote dikgetsi tse di fentsweng ke ba belaelwa le ko bo Amerika kwa tota.
Jaaka go agiwa defense ya go itatola confession e tshwana le ya ga Lovemore jaana, dikiteo tsa ba sepodise le pateletso go confessa e nna jone boikokotlelo jwa manganga ao.
Ke sone se mmelaelwa a kgonang go gakolola ke bone babueledi ba ba moteng ba gore mosele wa p**a o etßwa gale, gore jaanong a nne le record ya kokelo, a botebote ko kokelong ka di check-up from day one mo prison...di appointment tse di sa feleng. Mangole gotwe gaa bereke, mokwatla gotwe o sule. Ebile a kwaletswe materase a botobetobe ke ba marapo ko kokelong. A tsamaya ditshidilo tsa beke le beke. A kwaletswe le metsi a a molelo go tlhapa . E le molwetsi tota. Tiragalo e ya go itwatsa e kgona go tsaya nako tota, e tlhomola pelo. E tsietsa ebile nako dingwe e lebega e le boammaruri. Fa ba bosekisi ba a ja monàte le go tshwarwa ke tsele le tsele kontle , bone ba semeletse, ba file selo se le sengwe fela maatla le natla ya bone yotlhe . Ba tsogela mo go baleng dipolelo tsa basupi, barobala ba kile ba nna phuthegonyana go agiwa iphemelo.
Nna bolwetsi jwame e ne e le constipation. Bolwetsi Jo bo ne bo nthusa go tswela kontle le go ja botoka .Ke ne ke kwaletswe ditlhapi, dinawa le bo di vege ke ba b**gaka! Ke kgona go isiwa Lobatse gotwe ke ye go bona dietitian yo o faphegileng gone koo. E tlaabo e rwalega mmadisefo ya majuta e nthwala. Nna ke sa lwale. Ke le mo zwapo le go tlhatswa lence. Le intshwarele ke le senyeditse nna le puso Batswana betsho🙏
Owaii tseo di ngangatlela tse puso e ba di neelang ka dipurapura , bana fela, bontsi ba a bo e le gone ba itswelang sekolong fela, ba simolola loeto la tiro e ya bone ya b**gangatlela e. Jaanong o fitlhela ba ithuta tota mo di case di tshwana le tse, ba latswa practical...a bolelelwa gore re nganga jaana sir. Leene a bo a bona gore heelang case ke ye fa ye🙆
Mme wetsho! Ko befelelong jwa letsatsi, thato ya Modimo ke yone e nnang e direga. Matlhajana a banna bao ga a nke a fenyetsa ruri. Go retelelwa le bone bo Advocate tota nako dingwe. Mme ebile ga gona motho ope yo o ka ratang go fetoga monale bogole fa a fiwa monyetla wa go itlhophela. Mme kgetsi ya pelaelo ya polao ya motho yone, fa e go eme pele, o itlhophela bonale bogole letsatsi le penne. E ka nna jwa go tlhoka puo, kutlo kgotsa go latlhegelwa ke tlhaloganyo. O lebala le gore o kile wa nna le seriti. O sa patelediwe, o itlhophela bonale bogole....
Jaanong wetsho, se letle boikgogomoso go go latlhela ka lemena le le tlaa boang gape e le lone, le go apola mabela fa pele ga matlho a lefatshe lotlhe. Se letle lorato go go sira pono.
Choose freedom
No to pride
No to ignorance
No to greediness
No to peer pressure
20/05/2026
That officer talking to Sithole is called Rre Fanyane.
Nnyaa o ne a tlhokometswe mmelaelwa mo kgetsing ya polao ya losea Tlotso Karema. Rre yo o itse tiro ya go disa motshwarwa . A iketlile fela a tshega le wena jaana. Mme a le keletlhoko. Banna fa ba goroga ba tswa makgotleng kgotsa dikokelong ba ne ba disitswe ke Rre Fanyane, ba goroga ka manxla fela gotwe , " nxla ne ke Ile le moloi o go tweng Fanyane 😔". Tota ene ga a lekana Sethole fa e le gore go nnete wa lwala😊 jaaka go lebega, koore fela go lebega majuta ba belaela gore o tlaa goroga ko 10. Matshwane o belaela lemepe.
Anyway I hope o shapo in health and spirit bra Fanyane, I now appreciate your treatment on inmates including me(when I was there). You knew change. We didn't. So we thought you are a devil. But you you were a well wisher.
To Sithole, may justice take it's cause.Mo Botswana ngwana ga bolawe brother! Fa e le wena e le ruri...o tlaa fetoga manyoro a garden ya merogo ya kgolegelo ko village mo bogaufing. I see you seem not to be well. God , you and those with you inside know exactly whats happening...whether you are well or not. Dilo tsa lapa leo kana😔.General o kile a betsa close to 2 decades a kaname mo bolaong jwa sickbay. A sa bue, a sa utlwe, a sa tshikinyege. A bonya le go hema fela. E mo emetse tsheko ya polao.E mo emetse 10. Ba ne ba tlhapisa thata bo Fanyane. Ba kgona go mo tsenya mo metsing ba sa a timola ba cheka gore a ganke a bue, kgotsa a tlole a a sha! Batho ba Modimo ba lapisitswe ke go duba look jwa setho. Owaiii , a dikolosa matlho fela General. Lentswe a gana ka lone.
Ba bangwe ba itira balwala tlhaloganyo. E re fela le letse kgotsa le tlhotse le motho, kgantele o bone a feta a sa tswala a rwele rankateng mo tlhogong. Kgotsa a kua a re o bona dilo.
Gantsi se se diragala morago ga go lemoga nnete e e fa pele ga gago. Morago ga dikgakololo ka bangwe ka wena ba ba di boneng ka mefuta tsa lapa leo. Maikotlhao a sa tlhole a na le mosola fa e se go go jela nama le mowa fela. Dithuso tsotlhe ka mefuta jaanong e le lefela la mafela. Lefatshe le fetogile go nna lebotlana go fetisa ka fa o kileng wa akanya gore le ka nna lebotlana ka teng. Thuso jaanong go setse ya Modimo. Mme o s**e gongwe le fa e le gangwe fela o rapele Modimo. Gongwe o ne ebile o le mongwe wa ba ba ganetsang boleng teng jwa Modimo.
Iyooo kana golo ko di mefuta tse lefatshe le sa di itseng....! The good news is we are here now. And we know both sides.
The advice is stay away from offending the law. Don't get inside prison unless you are a prison officer, or a visitor.
Boroko baratiwa.
Click here to claim your Sponsored Listing.
Category
Contact the organization
Telephone
Website
Address
Gaborone
Opening Hours
| Monday | 09:00 - 17:00 |